SE MODIRI MONGWE LE MONGWE A TSHWANETSENG GO SE ITSE TEBANG LE BOITEKANELO LE PABALESEGO MO LEFELONG LA TIRO
Kaedi eno e kwadilwe go lebeletswe dikgatlhego tsa boitekanelo le pabalesego ya badiri mo Aforika Borwa. Maitlhomo a yona ga se go emela Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong, wa 1993. Maitlhomo a yona ke go tlhalosa Molao ono ka mareo a a bonolo a e seng a semolao go botlhe ba ba nang le seabe mo lephateng la boitekanelo le pabalesego ya mo tirong mo Aforika Borwa.
Seabe sa batlhatlhobi ba boitekanelo le pabalesego ya mo tirong ba Lefapha la Badiri se a tlhalosiwa. Go tlhagisiwa tiro le ditshwanelo tsa badiri jaaka di atolositswe mo Molaong. Go tlhagisiwa seabe le maikarabelo a bathapi, batlhagisi, batlhami, baromelateng, bathelesi mmogo le barekisi mo go netefatseng boitekenalo le pabalesego ya badiri. Mme kwa bokhutlong, go tlhalosiwa tiro ya baemedi le dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego.
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong, wa 1993, o tlhagisa tlhokego ya gore mothapi a dire gore go nne le seemo sa tiro se se sireletsegileng le go tlhokomela gore se tswelela pele go nna teng ka moo go ka kgonegang ka teng, ntle le go tsenya boitekanelo jwa badiri mo kotsing. Seno se kaya gore mothapi o tshwanetse go netefatsa gore lefelo la tiro ga lena dilo tse di ka nnang kotsi di tshwana le bensini, tlelorini, ditshetsana tse dingwe, diatikele, didiriswa, dithulaganyo, j.j. tse di ka bakang dikgobalo, tshenyo gongwe malwetse. Mo mabakeng a seno se sa kgonegeng mo go ona, mothapi o tshwanetse go itsise badiri ka ga dikotsi tseno, mokgwa o di ka thibelwang ka ona, mokgwa wa go dira ka pabalesego, mme gape a ba tlamele ka mekgwa e mengwe e e babalesegileng e e ka dirang gore lefelo la tiro le babalesege.
Le gale, ga go a bewa fela mo magetleng a mothapi gore e nne ene ka nosi a rwalang maikarabelo a boitekanelo le pabalesego. Molao o ikaegile ka mogopolo wa gore dikotsi tse di kwa mafelong a tiro di tshwanetse go tsibogelwa ka dipuisano le tirisanommogo magareng ga badiri le mothapi. Badiri le mothapi ba tshwanetse go tlhakanela maikarabelo a boitekanelo le pabalesego mo lefelong la tiro. Maphata ka bobedi a tshwanetse go bonela pele le go supa dikotsi mme a tlhame mekgwa ya taolo go dira gore lefelo la tiro le babalesege. Ka go dira jalo, mothapi le badiri ba nna le seabe mo thulaganyong e mo go yona baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba ka tlhatlhobang lefelo la tiro gangwe le gape mme ba begela komiti ya boitekanelo le pabalesego, e yona e tla fetisetsang dikatlenegiso kwa mothaping.
Go netefatsa gore thulaganyo eno e a dira, modiri mongwe le mongwe o tshwanetse go itse tiro le maikarabelo a gagwe jaaka di tlhagelela mo Molaong.
Molao le melawana
Molao o o itsegeng jaaka Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong wa 1993 (Molao wa 85 wa 1993) o na le dikarolo di le 50 tse di rebotsweng ke palamente. Maitlhomo a Molao ono ke go tlamela ka boitekanelo le pabalesego ya batho ba ba dirang gongwe tebang le tiriso ya dipolante le metšhini. Gape o tlamela ka pabalesego ya batho ba bangwe ntle le batho ba ba kwa tirong kgatlhanong le dikotsi tse di ka tlhagelelang ka ntlha ya, gongwe tse di amanang le ditiro tsa batho ba ba kwa tirong.
Tona ya badiri o tsenya Melawana e e farologaneng e e amanang le ditlhogo tse dirileng mo Molaong ono gangwe le gape.
Molao gongwe melawana e ka rekwa kwa Bagatising ba Puso e le Gazette gongwe e tshwaragantswe go tswa ka bagatising ba ba farologaneng.
Lefapha la Badiri
BokaediBogolo jwa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong o tsamaisiwa ke Bokaedi Bogolo jwa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong jwa Lefapha la Badiri.
Go tlhomilwe dikantoro tsa diporofense mo diporofenseng tsotlhe go netefatsa boitekanelo le pabalesego ya badiri. Go fitlha ga jaana, batlhatlhobi ba boitekanelo le tshireletsego ya mo tirong go tswa ka dikantorong tseno tsa diporofense, ba tsweletsa ditlhatlhobo kwa mafelong a tiro.
Ditlhatlhobo
Go le gantsi ditlhatlhobo di rulaganngwa go ya ka dipalopalo tsa dikotsi, go nna teng ga dilo tse di kotsi jaaka tiriso ya bensini kwa matlhatswetsong, gongwe tiriso ya metšhini e e kotsi ko mafelong a tiro. Ka fa go je lengwe, ditlhatlhobo tse di sa rulaganngwang tsona go le gantsi di tlhagelela fa go nnile le boikuelo gongwe dingongorego go tswa kwa badiring, bathaping, gongwe kwa baaging. Dingongorego gongwe boikuelo di tsewa e le khupamarama.
Dithata tsa batlhatlhobi
Fa motlhatlhobi a fitlhela maemo a a kotsi gongwe a a sa siamang go ya ka molao kwa lefelong la tiro, a ka beela mothapi ditlhokego ka tsela e e latelang:
Kitsiso ya thibelo
Mo mabakeng a go nang le kgonagalo ya kotsi, motlhatlhobi a ka thibela tiragalo nngwe e e rileng, thulaganyo, gongwe tiriso ya motšhini gongwe sediriswa ka go dirisa ya Kitsiso ya thibelo. Ga go ope yo o tshwanetseng go ikgatholosa diteng tsa kitsiso e e jalo mme e tshwanetse ya ikobelwa ka gangwe fela.
Kitsiso ya tlolomolao
Fa tlamelo ya molawana e tlotswe, motlhatlhobi a ka ntshetsa badiri gongwe mothapi, kitsiso ya tlolomolao. Go tlola Molao go ka dira gore motho a atlholwe ka gangwe fela, mme le gale fa go tlotswe molawana, mothapi a ka fiwa tshono ya go siamisa tlolomolao eo mo nakong e e rileng e e tla bong e tlhalositswe mo kitsisong, mme gantsi e ka nna malatsi a le 60.
Kitsiso ya tokafatso
Mo go fitlhelwang thulaganyo ya boitekanelo le pabalesego e e dirisiwang ke mothapi, e sa tlamele ka tlhokomelo e e kgotsofatsang ya boitekanelo le pabalesego ya badiri, motlhatlhobi a ka laela mothapi go leka thulaganyo e e botoka e e ka amogelesegang. Mothapi o tla ntshediwa kitsiso ya tokafatso e e tlhagisang ditokafatso tse di tshwanetseng go dirwa.
Dithata tse dingwe
Go kgontsha motlhatlhobi go tsweletsa tiro ya gagwe, a ka tsena kwa lefelong lengwe le lengwe la tiro le kwa go lona go diriswang metšhini gongwe didiriswa dingwe tse di kotsi mme a botsolotsa gongwe a ntsha tagafara ya gore mongwe a itlhagise kwa go ena. Motlhatlhobi a ka kopa go fiwa dikwalo dingwe, a batlisisa mme a dira dikhopi tsa dikwalo, mme gape a batle tlhaloso tebang le dintlha dingwe mo dikwalong tseo. Motlhatlhobi a ka tlhatlhoba maemo mangwe le mangwe gongwe athikele gongwe a tsaya disampole, mme a ka tsaya athikele nngwe le nngwe e e ka dirisiwang jaaka bopaki.
Ela tlhoko: Dithata tse di kailweng fa godimo tsa batlhatlhobi ga di a tsepama. Mongwe le mongwe yo o sa dumelaneng le tshwetso ya motlhatlhobi a ka ikuela kgatlhanong le yona ka go kwalela go : Motlhatlhobimogolo, Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong, Lefapha la Badiri, Kgetsana ya Poraefete X117, Pretoria, 0001.
Maikarabelo a kakaretso a bathapi go badiri
Mothapi o tshwanetse go dirang go netefatsa gore tikologo ya tiro e babalesegile mme ga ena kotsi mo boitekanelong ya badiri ba gagwe?
Mothapi o tshwanetse go tlamela le go tlhokomela didiriswa tsotlhe tse di tlhokegang go dira tiro, gammogo le dithulaganyo tsotlhe tse tiro e tshwanetseng go dirwa go ya ka tsone, mo seemong se se se kitlang se ama boitekanelo le pabalesego ya badiri. Pele ga go ka dirisiwa didiriswa tsa go itshireletsa, mothapi o tshwanetse pele go leka go tlosa gongwe go fokotsa kotsi nngwe le nngwe e e ka nnang teng mo boitekanelong le mo pabalesegong ya badiri ba gagwe. Go tshwanetse ga dirisiwa didiriswa tsa go itshireletsa fela fa seno se sa kgonagale. Mothapi o tshwanetse go tsaya dikgato tsa go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya badiri ba gagwe kgatlhanong le dikotsi tse di ka bakwang ke tlhagiso, thulaganyo, tiriso, go tshwara, go boloka gongwe go rora diathikele gongwe dilo. Ka mantswe a mangwe, sengwe le sengwe se badiri ba ka amanang le sona kwa tirong.
Go netefatsa gore go ikobelwa tseno, mothapi o tshwanetse:
go supa dikotsi tse di ka nnang teng fa tiro e dirwa, go tlhagisiwa sengwe, go tsamaisiwa sengwe, go dirisiwa sengwe, se bolokwa gongwe se rorwa, gammogo le didiriswa tse di dirisiwang.
a tlhame ditsela tsa pabalesego tse di tlhokegang go sireletsa badiri ba gagwe kgatlhanong le dikotsi tse di supilweng mmogo le go tlamela ka mekgwa ya go tsenya tirisong ditsela tseno tsa pabalesego.
go tlamela ka tshedimosetso e e tlhokegang, ditaelo, katiso mmogo le tlhokomelo go ntse go etswe tlhoko bokgoni jwa badiri. Ka mantswe a mangwe, gore ke eng se ba ka se dirang le se ba ka se keng ba se dira go se letle gore go se nne le ope yo o tla tswelelang ka tiro nngwe le nngwe ntle fela le fa go latelwa ditsela tse di tlhokegang tsa pabalesego go tsaya dikgato tsa go netefatsa gore mongwe le mongwe yo o mo taolong ya gagwe o ikobela ditlhokego tsa Molao go tsenya tirisong thulaganyo e e tlhokegang ya taolo mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le pabalesego go bona gore tiro e e dirwang mmogo le didiriswa tse di diriswang di tlhokometswe ke modiri o o katisitsweng mme a tlhaloganya matshosetsi a a amanang le tiro eo go bona gore modiri yoo o netefatsa gore thulaganyo ya tshireletso e tsenngwa tirisong mme e a tswelediwa.
Badiri botlhe ba na le tshwanelo ya go sedimosediwa
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore modiri mongwe le mongwe o na le tshedimosetso mme o tlhaloganya ka botlalo matshosetsi a a ka nnang teng a a ka amang boitekanelo le pabalesego fa tiro e dirwa, go tlhagisiwa sengwe, go tsamaisiwa sengwe, go dirisiwa sengwe, se bolokwa gongwe se rorwa, gammogo le kotsi ya didiriswa tse di dirisiwang. Mothapi o tshwanetse jaanong a tlamela ka tshedimosetso e e ka ga thulaganyo ya tshireletso e e ka dirisiwang kgatlhanong le matshosetsi ano.
Mothapi o tshwanetse go lotlegela baemedi ba boitekanelo le pabalesego fa motlhatlhobi a sena go mo itsise ka ga ditlhatlhobo le dipatlisiso tse di tla dirwang kwa lefelong la tiro. Mothapi o tshwanetse gape go lotlegela baemedi ba boitekanelo le pabalesego ka ga kopo nngwe le nngwe ya kgololo e e dirilweng, gongwe kgololo nngwe le nngwe e a e reboletsweng go ya ka Molao. Kgololo eno e kaya go gololwa mo ditlamelong dingwe tsa Molao, melawana, dikitsiso gongwe ditaelo tse di ntshitsweng go ya ka Molao.
Mothapi o tshwanetse go itsise ka bonako jo bo kgonegang, baemedi ba boitekanelo le pabalesego, ka ga tiragalo ya kotsi mo lefelong la tiro. Tiragalo ke fa go diragetse sengwe kwa tirong mme motho a tlhokafetse, a gobetse gongwe a lwala. Seno se kaya gape go tshologa ga dikhemikhale tse di kotsi, go tshwana le fa tanka e dutla formaldehyde (dire tsa khemikhale e e dirisiwang kwa diindasetering) ka ntlha ya belefo e e nang le bothata, gongwe fa motšhini o tswa mo taolong, ntle le go bolaya gongwe go gobatsa ope.
Ditiro tsa kakaretso tsa batlhagisi, batlhami, baromelateng, barekisi gongwe bathelesi tebang le tiriso ya diathikele le dire tse dingwe kwa tirong
Diathikele
Batlhagisi, batlhami, baromelateng, barekisi gammogo le bathelesi ba tshwanetse go netefatsa gore:
diathikele tsa bone di babalesegile mme ga di na dikotsi mo boitekanelong mme gape di ikobela ditlhokego tsotlhe tse di rebotsweng fa go tlhongwa sebopego gongwe athikele mo lefelong lengwe le lengwe, go tshwanetse ga dirwa jalo ka mokgwa o o sa tlholeng seemo se se sa babalesegang gongwe se se kotsi mo boitekanelong.
Dire
Batlhagisi, batlhami, baromelateng, barekisi gammogo le bathelesi ba dire dingwe le dingwe ba tshwanetse go netefatsa gore:
Dire tseo di babalesegile mme ga di na kotsi mo boitekanelong fa di dirisiwa ka tolamo go na le tshedimosetso ka ga:
tiriso ya dire kwa tirong matshosetsi a boitekanelo le pabalesego a a amanang le dire seemo se se tlhokegang go netefatsa gore sere seo se babalesegile mme ga se nne le kotsi mo boitekanelong fa se dirisiwa ka tolamo ditsela tse di tshwanetseng go latelwa fa go ka nna le kotsi.
Fa motho yo o rekiseditsweng athikele gongwe sere a ikana ka go kwala gore o tla tsaya dikgato tse di tlhagisitsweng go netefatsa gore athikele gongwe sere se tla fitlhelela ditlhokego tsotlhe tse di rebotsweng, mme se tla nna se babalesegile gape se sena kotsi mo boitekanelong, ditiro tsa moromelateng, motlhami, morekisi, mothelesi gongwe motlhagisi di sutisiwa ka gangwe go ya kwa mothong yo o tsayang maikano a go tsaya dikgato tseo.
Ditiro kakaretso tsa modiri
Ke tiro ya modiri:
go tlhokomela boitekanelo le pabalesego ya gagwe, gammogo le ya batho ba bangwe ba ba ka neng ba ka amiwa ke ditiro tsa gagwe gongwe go ikgatholosa go dira ga gagwe. Seno se akaretsa go tshameka kwa tirong. Batho ba le bantsi ba bone dikgobalo gongwe ba aga le badimo ka ntlha ya go tshameka makgwakgwa kwa tirong, mme seno se tsewa jaaka tlolo molao.
mo Molao o laelang tlhokego ya gore modiri a dirisane le mothapi go naya motlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng la Badiri tshedimosetso fa a e tlhoka go diragatsa ditaelo dingwe le dingwe tse di mo molaong tse di rebolwang ke mothapi gongwe motho mongwe yo o nang le dithata tsa go dira jalo tebang le boitekanelo le pabalesego go ikobela melawana le ditsela tsotlhe tse a di newang ke mothapi go apara diaparo tse di rebotsweng tsa pabalesego gongwe go dirisa didiriswa tsa pabalesego tse di rebotsweng fa go tlhokegang teng go bega seemo se se sa babalesegang gongwe se se sa siamelang boitekanelo kwa mothaping gongwe kwa moemeding wa boitekanelo le pabalesego ka bonako jo bo kgonegang fa a amegile mo kotsing e e ka amang boitekanelo jwa gagwe gongwe e e ka tlholang dikgobalo, o tshwanetse go begela mothapi gongwe motho mongwe yo o nang le dithata, kgotsa moemedi wa boitekanelo le pabalesego ka ga tiragalo eo ka bonako jo bo kgonegang, mme seno se tshwanetse go dirwa pele ga fa šifiti e wela.
Ditshwanelo tsa modiri
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong o atolositse ditshwanelo tsa badiri go akaretsa tse di latelang:
Tshwanelo ya go sedimosediwa
Modiri o tshwanetse go kgona go fitlhelela:
Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo tirong mmogo le melawana melao ya boitekanelo le pabalesego ga mmogo le thulaganyo ya tsamaiso mo lefelong la tiro seemo sa boitekanelo le pabalesego se mothapi a tshwanetseng go se tlhokomela mo tirong.
Modiri a kopa mothapi go mo naya tshedimosetso tebang le:
matshosetsi a boitekanelo le pabalesego mo lefelong la tiro thulaganyo ya tshireletso e e tshwanetseng go latelwa thulaganyo ya tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa fa modiri a amane le dire tse di ka nnang le matshosetsi mo boitekanelong jwa gagwe
Modiri a ka kopa gore ngaka ya gagwe ya poraefete e batlisise direkoto tsa gagwe tsa bongaka mmogo le tsa kamano.
Fa modiri e le moemedi wa boitekanelo le pabalesego, a ka batlisisa le go tshwaela ka go kwala, ka ga patlisiso ya kamano mmogo le dipegelo tsa tlhokomelo.
Tshwanelo ya go nna le seabe fa go dirwa ditlhatlhobo
Fa modiri e le moemedi wa boitekanelo le pabalesego, a ka tsamaya le motlhatlhobi wa boitekanelo le pabalesego go tswa kwa Lefapheng la Badiri ka nako ya go tlhatlhoba lefelo la tiro mme a araba dipotso dingwe le dingwe tse di ka bodiwang ke motlhatlhobi.
Tshwanelo ya go tshwaela mo melaong le go dira ditlhagiso
Modiri a ka tshwaela gongwe go dira tlhagiso ka ga molawana gongwe seemo sa pabalesego se se phasaladitsweng ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya kwa Tirong.
Tshwanelo ya go se kgobotlediwe
Mothapi ga a tshwanela go koba modiri mo tirong ya gagwe, go fokotsa seelo sa dituelo tsa modiri gongwe go fokotsa seemo sa tiro sa modiri ka ntlha ya gore :
modiri o reboletse mongwe yo o rweleng maikarabelo a tsamaiso ya Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya kwa Tirong tshedimosetso e e neng e tlhokega mo go ena go ya ka Molao modiri o ikobetse kitsiso ya semolao, (jaaka thibelo, kitsiso ya tlolo molao, jalo jalo)
modiri o dirile sengwe se se neng se tshwanetse go dirwa go ya ka Molao
Modiri ga a dira sengwe se e leng gore se thibetswe go ya ka Molao modiri o tlhagisitse bopaki kwa pele ga Lekgotla la Badiri gongwe kwa Lekgotleng la molao tebang le dintlha tse di amanang le boitekanelo le pabalesego.
Tshwanelo ya go dira boikuelo
Modiri a ka ikuela kgatlhanong le tshwetso ya motlhatlhobi. Boikuelo jo bo kwadilweng bo ka fetisediwa go Motlhatlhobimogolo, Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong, Lefapha la Badiri, Kgetsana ya Poso X117, Tshwane, 0001.
Maikarabelo a go se kgoreletse gongwe go dirisa botlhaswa ditlamelo
Ga go ope yo o tshwanetseng go kgoreletsa gongwe go dirisa botlhaswa ditlamelo tse di tlametsweng mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le pabalesego. Go fa sekai, motho ga a tshwanela go tlosa sesireletsi sa pabalesego mo motšhining mme a dirise motšhini oo gongwe a letla mongwe fela go o dirisa ntle le sesireletsi seo.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ke eng?
Ke badiri ba ba tletseng ba ba tlhophilweng gongwe ba nopotswe mme ba reboletswe tiro ka makwalo ke mothapi morago ga gore mothapi le badiri ba buisane mme ba fitlhelele tumelano ya gore ke bomang e tla nnang baemedi ba boitekanelo le pabalesego. Gape ba tshwanetse ba bo ba itse le go tlhaloganya maemo le seemo se se kwa karolong ya lefelo la tiro le ba tlhomiwang kwa go lona. Go tshwanetse gape gore go dumelanwe ka sebaka sa go dira jalo gammogo le ditiro tsa baemedi ba boitekanelo le pabalesego mme seno se tshwanetse go dumelanelwa ke badiri le mothapi.
Go tshwanetse ga tlhomiwa baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba le kae?
Go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi kwa lefelong lengwe le lengwe la tiro le le nang le badiri ba le 20 gongwe go feta. Ka jalo, kwa go thapilweng fela badiri ba le 19, ga go tlhokege go tlhoma moemedi.
Kwa mabentleleng le kwa dikantorong gona, go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi a le mongwe mo badiring bangwe le bangwe ba le 100 gongwe bontlhabongwe jwa palo eno. Go fa sekai, go tshwanetse ga tlhomiwa moemedi a le mongwe mo go nang le badiri ba le 21 go ya go 100. Fela go tshwanetse ga tlhomiwa baemedi ba le babedi kwa go nang le badiri ba le 101 go ya go 200, jj.
Kwa mafelong a mangwe a ditiro gona, moemedi a le mongwe a ka tlhomelwa badiri bangwe le bangwe ba le 50 gongwe bontlhabongwe jwa palo eo. Go naya sekai, moemedi a le mongwe a ka tlhomelwa badiri ba le 21 go ya go 50. Fela go tshwanetse ga tlhomiwa baemedi ba le babedi kwa go nang le badiri ba le 51 go ya go 100.
Motlhatlhobi a ka tlhagisa tlhokego ya gore go tlhomiwe baemedi ba le bantsi le mo mafelong a go nang le badiri ba ba kwa tlase ga 20, mme seno se laolwa ke mabaka. Go naya sekai, sebopego sa polante se ka ne se le ka mokgwa o o dirang gore go tlhoma moemedi a le mongwe go badiri ba le 50 go se ke ga kgonega. Ka jalo motlhatlhobi a ka tlhoka gore go tlhomiwe baemedi ba bangwe ba tlaleletso. Le gale, fa mothapi le badiri ba dumela, go ka tlhomiwa palo e e fetang e e rebotsweng ya baemedi.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go tlhomiwa leng?
Mo sebakeng sa dikgwedi di le nne morago ga mothapi a sena go simolola kgwebo. Mothapi yo o nang le badiri ba palo ya bona e fetang 20, mme kgwebo ya gagwe e na le sebaka se se ka fa tlase ga dikgwedi di le nne e ntse e dira, ga a tshwanela go tlhoma baemedi. Gape mo mabakeng a go thapiwang badiri ka setlha se se rileng go tla go dira kwa dipolaseng, mme seno se baka gore palo ya badiri e fete 20 mo pakeng e e ka fa tlase ga dikgwedi di le nne, gona ga go tlhokege gore go ka tlhomiwa baemedi.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go dira ditiro tsa bona leng?
Ditiro tsotlhe go akarediwa tse ba di tlhometsweng, tiro le katiso ya badiri, di tshwanetse go dirwa ka nako e e tlwaelegileng ya tiro.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go dira eng?
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go dira tse di latelang:
Boruni jwa boitekanelo le pabalesego
Baemedi ba ka sekaseka bokgoni jwa dithulaganyo tsa tsamaiso ya boitekanelo le pabalesego ka go runa boitekanelo le pabalesego.
Go supa dikotsi tse di ka nnang gona
Baemedi ba ka supa dikotsi tse di ka nnang gona mo lefelong la tiro mme ba di begela komiti ya boitekanelo le pabalesego gongwe mothapi.
Go tlhotlhomisa ditiragalo
Baemedi le mothapi ba ka tlhotlhomisa ditiragalo tse di diragetseng, ba tlhotlhomisa dingongorego tse di tswang kwa badiring tebang le merero ya boitekanelo le pabalesego mme ba tlhagisa dipegelo tsa tsona di kwadilwe.
Go dira ditlhagiso
Baemedi ba ka tlhagisa ditlhagiso tebang le pabalesego ya lefelo la tiro go mothapi gongwe komiti ya boitekanelo le pabalesego, gongwe fa ditlhagiso di sa atlega, di ka tlhagisiwa fa pele ga motlhatlhobi.
Ditlhatlhobo
Malebana le tlhatlhobo gona, baemedi ba ka:
tlhatlhoba lefelo la tiro morago ga go itsise mothapi ka ga tlhatlhobo nna le seabe mo dipuisanong le batlhatlhobi kwa lefelong la tiro mme ba pata batlhatlhobi mo ditlhatlhobong tlhatlhoba dikwalo patiwa ke mogakolodi wa setegeniki ka nako ya go dira tlhatlhobo mme seno se dirwe ka tetla ya mothapi wa gagwe
Go tsenela dikopano tsa komiti
Baemedi ba ka nna ba tsenela dikopano tsa komiti ya boitekanelo le pabalesego
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego
Mosola wa dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego ke eng?
Ditokololo di kopana gore di simolole, di rotloetse, di tlhokomele mmogo le go sekaseka gape ditsela tsa go netefatsa boitekanelo le pabalesego ya badiri.
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di tshwanetse go tlhomiwa leng?
Go tshwanetse ga tlhomiwa bonnye komiti e le nngwe fa go tlhomiwa baemedi ba le babedi gongwe go feta.
Komiti ya boitekanelo le pabalesego e tshwanetse go nna le ditokololo di le kae?
Mothapi ke ena a tsayang tshwetso ya palo ya ditokololo tsa komiti a ikaegile ka mabaka a a latelang:
fa go tlhomilwe komiti e le nngwe fela mo lefelong la tiro, baemedi botlhe ba tshwanetse go nna ditokololo tsa yona fa go tlhomilwe dikomiti di le pedi gongwe go feta mo lefelong la tiro, moemedi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna tokololo ya nngwe ya dikomiti tseo.
Ka jalo, moemedi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna tokololo ya komiti. Gape mothapi a ka tlhopha batho ba bangwe go mo emela kwa komiting, mme le gale batho bao ba ba tlhophilweng ga ba a tshwanela go feta palo ya baemedi ba ba tlhomilweng mo komiting eo. Le gale fa motlhatlhobi a ka bona e kete palo ya dikomiti tse di mo lefelong la tiro ga e a lekana, a ka swetsa gore go tlhomiwe dikomiti tse dingwe tsa tlaleletso.
Baemedi ba boitekanelo le pabalesego ba tshwanetse go kopana ga kae?
Ba kopana ka nako nngwe le nngwe fa go tlhokega, mme bonnye e tshwanetse go nna gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe di le tharo. Komiti ke yona e swetsang ka nako le lefelo. Le gale, fa diperesente di le 10 (10%) gongwe go feta, tsa badiri di ka tsenya kopo ya go nna le kopano le motlhatlhobi, motlhatlhobi a ka laela gore kopano eo e tshwarelwe kwa lefelong le le batlwang ke ena le ka nako e e beilweng ke ena.
Ke mang a swetsang ka ga thulaganyo ya tsamaiso kwa kopanong?
Ditokololo tsa komiti di tlhopha modulasetilo mme di swetsa ka sebaka se a tshwanetseng go se kokomala mo setilong, tsamaiso ya dikopano, j.j.
A dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di ka ikgolaganya le baitseanape go bona dikgakololo?
Ee, go jalo, dikomiti di ka tlhopha batho bangwe go nna ditokololo tsa bogakolodi ka ntlha ya kitso le bokgoni jwa bona mo mererong ya boitekanelo le pabalesego. Le gale, tokololo ya bogakolodi ga e na tetla ya go tlhopha.
Dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di dira eng?
Dikomiti di dira fela ka merero ya boitekanelo le pabalesego kwa lefelong la tiro gongwe dikarolwana tsa teng tse di tlhometsweng dikomiti tsa mofuta ono. Ka kakaretso dikomiti tsa boitekanelo le pabalesego di tshwanetse go dira tse di latelang:
Komiti e tshwanetse go dira dikatlenegiso go mothapi tebang le boitekanelo le pabalesego ya badiri. Mo mabakeng a go fitlhelwang gore dikatlenegiso tseno ga di lebise kwa go rarabololeng bothata, komiti e ka dira dikatlenegiso go motlhatlhobi.
Go buisanela ditiragalo
Komiti e tshwanetse go buisana ka ga tiragalo nngwe le nngwe e e lebisang kwa kgobalong, bolwetse, kgotsa loso la mongwe wa badiri mme e ka isa pegelo e e kwadilweng ka ga yona go motlhatlhobi.
Go tshola direkoto
Komiti e tshwanetse go tshola rekoto ya katlenegiso nngwe le nngwe e e ileng go mothapi mmogo le pegelo nngwe le nngwe e e ileng go motlhatlhobi.
Ditiro tse dingwe
Ditokololo tsa komiti di tshwanetse go dira tiro nngwe le nngwe e e tlhokegang go ya ka melawana.
Dikgogo
Mothapi ga a tshwanela go dira dikgogo dipe go tswa mo dituelong tsa modiri tebang le sengwe le sengwe se a tlhokang go se dira mo dikgatlhegong tsa boitekanelo le pabalesego go ya ka Molao.
Pegelo go ya go Motlhatlhobimogolo tebang le malwetse a a amanang le tiro
Fa ngaka e tlhatlhoba gongwe e alafa mongwe yo o lwalang bolwetse jo a belaelang gore bo ka ne bo tswa kwa tirong ya molwetse, ngaka e tshwanetse go bega kgetse eo kwa mothaping wa modiri gongwe kwa go Motlhatlhobimogolo.
Go dirisana mmogo le motlhatlhobi
Go ikobela dikaelo, makwalotaelo a go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, dikopo gongwe ditaelo
Bathapi le badiri ba tshwanetse go ikobela dikaelo, makwalotaelo a go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, dikopo gongwe ditaelo tsa batlhatlhobi. Go tlaleletsa seno, ga go ope yo o tshwanetseng go thibela ope go ikobela tseno.
Go arabela dipotso
Dipotso tsa motlhatlhobi di tshwanetse go arabiwa mme le gale ga gona ope yo o patelesegang go araba potso e e ka dirang gore a itshwarise. Go itshwarisa go kaya gore motho o tlhalosa gore ke ena a rwalang maikarabelo a tlolo molao.
Ditlhotlhomiso
Motlhatlhobi o tshwanetse go tlamelwa ka ditlhokego tse di maleba gammogo le go newa thuso e a ka e tlhokang go tsweletsa tlhotlhomiso fa go tlhokega jalo. Motlhatlhobi a ka kopa gape gore go tsenelwe ditlhotlhomiso. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlhapatsa motlhatlhobi gongwe go kgoreletsa ditlhotlhomiso ka bomo.
Katlholo
Fa modiri a ka dira sengwe se e leng molato go ya ka Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong, maikarabelo a molato o o a sala le mothapi mme a ka bonwa molato a bo a atlholelwa molato oo ntle fela le fa mothapi a ka supa gore:
o ne a sa ntsha tetla o tsere dikgato tsotlhe tse di neng di ka kgonega go leka go thibela seo modiri o ne a sa dire go ya ka bokgoni jwa gagwe. Ka mantswe a mangwe, seno se kaya gore modiri o dirile sengwe se a neng a itse sentle gore o ne a sa tshwanela go se dira.
Seno se ama gape le barongwa ba mothapi, go fa sekai, mokonteraka potlana, ntle fela le fa maphata o o mabedi a kwadile tumelano pele ga moo gore morongwa o tla ikobela jang ditlamelo tsa Molao.
Thuso go tswa kwa motlhatlhobing
Go ka ikgolaganngwa le batlhatlobi kwa dikantorong tse di latelang tsa porofense tse Lefapha la Badiri:
Porofense ya Bokone
Mokaedi wa Porofense Mogala: 290 1744
Lefapha la Badiri Fekese: 290 1670
Kgetsana ya Poso X 9368
Mpumalanga
Mokaedi wa Porofense Mogala: 655 8700
Lefapha la Badiri Fekese: 690 2622
Kgetsana ya Poso X 7263
Mokaedi wa Porofense Mogala: 309 5000
Lefapha la Badiri Fekese: 323 5449
Lebokoso la Poso 393
Mokaedi wa Porofense Mogala: 497 3000
Lefapha la Badiri Fekese: 834 1081
Lebokoso la Poso 4560
Mokaedi wa Porofense Mogala: 505 6200
Lefapha la Badiri Fekese: 447 9353
Lebokoso la Poso 522
Bloemfontein
Bokone Bophirima
Mokaedi wa Porofense Mogala: 384 2033
Lefapha la Badiri Fekese: 384 2745
Kgetsana ya Poso X 2040
MMABATHO
Mokaedi wa Porofense Mogala: 336 1500
Lefapha la Badiri Fekese: 307 6882
Lebokoso la Poso 940
Kapa Bokone
Mokaedi wa Porofense Mogala: 838 1500
Lefapha la Badiri Fekese: 832 4798
Kgetsana ya Poso X5012
Kapa Botlhaba
Mokaedi wa Porofense Mogala: 701 3000
Lefapha la Badiri Fekese: 43 9719
Kgetsana ya Poso X 9005
Kapa Bophirima
Mokaedi wa Porofense Mogala: 460 5911
Lefapha la Badiri Fekese: 465 7318
Lebokoso la Poso 872
Aterese ya Kantorokgolo ya Mokaedimogolo wa Boitekanelo le Pabalesego ya mo Tirong
Lefapha la Badiri Mogala: 309 4774
Kgetsana ya Poso X 117 Fekese: 309 4382
TSHWANE
